Melawana ya maloko

Re go amogela mo Oxford Living Dictionaries, lefelo le o ka nnang le seabe mo go direng ditlhangwa tsa maranyane tsa puo ya Setswana, go kgaogana megopolo le maikutlo a gago le baratapuo-ka-wena, o bo o bone dikarabo tsa dipotso tsa gago.


Ka ga Oxford Living Dictionaries 

Re go rotloetsa gore o tswe ka mafoko a maša le dithanolo tse diša go agela puo ya ga eno thanodi e e tshelang. O ka botsa dipotso ka mafoko le dithanolo, e bile gape o ka araba dipotso tse di kwadilweng. O ka arogana megopolo ya gago mabapi le puo kgotsa mafoko, wa bo wa botsa ba bangwe maikutlo a bone mabapi le sengwe. Mookamedi wa Puo ke ene a okametseng tiro e ka bophara jotlhe jwa yone mme ke ene o ka ikgolaganyang le ene fa o na le potso, kakgelo kgotsa mathata. O tlhomilwe go tshegetsa go tlhangwa ga ditsa-maranyane a puo le go tlhomamisa gore dikakgelo tsotlhe le megopolo yotlhe e sala melawana e e beilweng morago.

Ka tsweetswee ela tlhoko gore Mookamedi wa Puo ga a ka ke a araba dipotso tse di amang diteng le dithuso tse o ka di akolang mo Oxford Dictionaries ka bophara jwa yone. Fa o na le potso ka dingwe tse di fitlhelwang kwa Oxford Dictionaries kgotsa gore o ka ikwadisa jang teng, kgotsa potso e e amang nngwe ya mafoko a a mo thanoding ya rona, tsweetswee etela ditsebetsa Thuso

Ka go dirisa tsebe ya oxforddictionaries.com (“the Website”) o dumela go sala morago Melawana e, ga mmogo le Melawana ya khupamarama le Kitsiso ya Semolao e e tlhalosang ka bophara melawana e e sireletsang dikitso, ditshwanelo tsa Oxford University Press go dirisa tsotlhe tse di tswang mo modirising le tiriso ya tsebe e e tshwanetseng. Fa o eletsa go nna le tshedimosetso e ka puo e sele, ka tsweetswee ikgolaganye le rona.


Maitsholo

Re amogela megopolo ka go farologana go tswa kwa mongweng le mongwe. Maitsholo a a latelang ga a letlelesege mo mokwalong ope, mo kakgelong kgotsa go kwalwa gope fela mo tsebeng epe ya rona.

  • Maitsholo ape fela a go sotla kgotsa go garumela badirisi ba bangwe kgotsa baeti ba ba etetseng tsebe kgotsa nngwe ya dikarolo tsa ditsebe tse.
  • Tiriso ya matlhapa kgotsa mafoko a a kgopisang (kwa ntleng ga fa go buisanngwa ka ditlhotlhomiso tse di elekang tiriso ya matlhapa a mofuta oo).
  • Mokwalo ope fela wa kgwebo, o o bapatsang, o rotloetsa, kgotsa o rekisa dithoto le ditirelo (kwa ntleng ga fa e le karabo ya kopo e e dirilweng ke leloko le lengwe).
  • Tsobero maikutlo (go kgobera maikutlo kabomo kgotsa go rumolana mo enthaneteng ka maikaelelo a go tena kgotsa go galefisa motho.)
  • Ditlhogo tse di sa tsamaisaneng le puo kgotsa mafoko.
  • Sepe fela se se seng ka fa molaong, se se tshosetsang, se se rumolanang, morogano, mafoko a a senyang motho leina, matlhapa, makgapha, mafoko a a maswe, mafoko a a seng boammaaruri ka mongwe, boferefere, ditlhaloso tse di fatlhang kgotsa dikgang tsa thobalano (go akaretsa mafoko a tlhakanelo dikobo ka dikgoka mo go lebisitsweng mongwe kgotsa setlhopha sa batho), go itshunya nko ma matshelong a batho kgotsa letlhoo.
  • Sepe fela sa tlolo molao kgotsa se se rotloetsang tlolo molao se se ka dirang gore motho a sekisiwe a bo a bonwe molato.
  • Sepe fela se se nang le megare e e tlhaselang dikhompiutara, dilo tse di kopang kitso mo khompiutareng kgotsa sepe fela se se botlhabetsi, papatso ya mothale ope fela, kgotsa bosupa jo bo seng boammaaruri gore kitso kgotsa tshedimosetso e tswa kae.
  • Tshedimosetso e e senang boammaaruri kgotsa e e tsietsang ka bomo.
  • Sepe fela se se sireleditsweng ka fa molaong wa dikitso le matlhale a setho, kgotsa ditsabatho le dikitso tsa bone tse di dirisiwang kwa ntle ga go kopa tetla pele ga tiriso mo go beng ba tsone.
  • Kitso kgotsa tshedimosetso e e masisi, e e sephiri kgotsa e e sireleditsweng e amana le wena kgotsa ba bangwe mo dikakgelong tsa gago.


Tlhatlhobo ya mekwalomengwe

Re na le thata ya go ela tlhoko tsotlhe tse di kwalwang mo legaeng la rona la enthanete, re etse tlhoko tsotlhe tse di robang melawana e; ka jalo, mekwalo mengwe e ka nna ya tlhatlhobiwa pele ga e gatisiwa. Se se ka dira gore mekwalo mengwe e diege pele ga e iponatsa mo legaeng la rona la enthanete.

Re na le thata gape ya go kganela kwa ntle ga go kgalemela pele, kgotsa kwa ntle ga go buisana pele le modirisi mongwe le mongwe yo o sa saleng morago melawana e; e bile re ka nna ra ntsha tsotlhe tse a kileng a di kwala mo tsebeng ya rona ya enthanete.     


Nepagalo le tshephafalo

Re kopa gore o seka wa dirisa leina la motho o sele mo tsebeng e e buang ka ga wena. Ke molawana wa Oxford Living Dictionaries gore maloko a buisane a dirisa maina a bone a nnete gore tsotlhe di dirwe ka maikarabelo mo pontsheng.

Tsotlhe tse di kwadilweng ke badirisi di tlaa simolola di supafala e le “mokwalo wa modirisi” mme e tlaa re moragong di rurifadiwe ke badirisi ba bangwe ba Oxford Living Dictionaries kgotsa ke bodiredi jwa OUP.


See more from Explore