Kitsiso ya Semolao

Kitsiso e ya semolao e itebagantse le legae le la enthanete la oxforddictionaries.com ("Website") le dikarolwana tsa lone. Kitsiso e e laola tiriso ya gago ya legae le la enthanete le dikarolwana tsa lone. Ka go dirisa legae le la enthanete, o dumalana le ditsamaiso tse nankotsweng mo mokwalong o.

O ka dirisa dikarolo dingwe tsa legae le la enthanete kwa ntle ga go ikwadisa kgotsa go fa Oxford University Press ("OUP", "re", "rona" or "ga rona") dintlha ka ga gago.

E re ka tshedimosetso e e mo legaeng le la enthanete e ka tswa e sa felela, e siilwe ke nako kgotsa e sa nepafala; e na le tsa setegeniki tse di sa nepagalang kgotsa e na le diphoso tsa mokwalo, OUP e na le thata le tshwanelo ya go ntšhafatsa legae la enthanete fa e bona go tlhokafala. Ka jalo, tshedimosetso ya mothale oo, e ka nna ya ntšhafadiwa kwa ntle ga go go itsise. 

Re na le tshwanelo le thata ya go fetola kitsiso e ya semolao. Phetolo nngwe le nngwe e re ka e diragatsang mo kitsisong e ya semolao e tlaa kwalwa mo tsebeng e mme fa go tshwanetseng teng, re tlaa go itsise ka imeili. Dikarolwana dingwe tsa kitsiso e ya semolao di ka nna tsa nna kwa tlase ga tse dingwe tse di tlhalositsweng mo ditseng tse dingwe tsa legae le la enthanete.


Maina a tiriso le dilotlolo

Fa o ikwadisitse mo legaeng le la enthanete e bile o na le leina la tiriso le selotlolo sa letlole, o dumalana gore ga o ka ke wa neela ope leina la gago le/kgotsa selotlolo sa gago. Fa go ka tshokana selotlolo sa gago le/kgotsa leina la gago la tiriso di ka bonwa ke mongwe a ne a sa tshwanela o dumela go re itsise ka bofefo gore OUP e tseye kgato ka bofefo gore e go fe leina la tiriso le leša le selotlolo.


Tiriso ya tse di mo legaeng le la enthanete

O letlelelwa go:

  1. Senka, lebelela, ntsha, o bo o baya mo pontsheng dikarolo tsa legae la rona la enthanete;
  2. Boloka karolo nngwe ya legae la rona la enthanete o dirisa maranyane;
  3. Le/kgotsa go ikgatisetsa kgatiso e le nngwe ya dikarolwana tsa legae la enthanete.

Mo makgetlhong mangwe le mangwe, go lebilwe melawana e e teng mo tsebeng nngwe le nngwe ya legae la enthanete, ga o a tshwanela go ntsha kgotsa go fetola melawana ya dithata tsa mong kgotsa motlhami kgotsa sekano sengwe fela le fa e le kitsiso ya matlhapa diatla e e leng teng mo legaeng la enthanete.

Le/kgotsa go gatisa kgotsa go kopa ka maranyane dikarolo tse di ntsi tsa dintlha tsa legae la enthanete tse di sa letlelelweng gore di dirisediwe sengwe fela, kwa ntle fela go letlelelwa ka fa molaong kgotsa go letleletswe ke OUP; baya mo pontsheng kgotsa o anamisa karolo epe ya tshedimosetso mo maranyaneng ape go akaretsa mo enthaneteng ka bophara jwa yone; letlelela mongwe fela go akola kgotsa go dirisa tshedimosetso; le/kgotsa; dirisa bontlha bongwe jwa tshedimosetso kgotsa tshedimosetso yotlhe mo go tsa kgwebo.

Fa o ikwadisetsa go amogela lekwala dikgang la rona kgotsa o ikwadisetsa go amogela molaetsa wa rona ka enthanete, o ka dirisetsa melaetsa e o e romeletsweng tse e seng tsa kgwebo fela. Ga o letlelelwe go:

  1. Ntsha kgotsa go fetola melawana ya dithatatsa mong kgotsa motlhami kgotsa sekano sengwe fela le fa e le kitsiso ya matlhapadiatla e eleng teng mo go tse o tlaa bong o di romelelwa;
  2. go gatisa ka thulaganyo kgotsa go kopa ka maranyane dikarolo tse di ntsi tsa tse o di romeletsweng, kwantlefela o letleletswe ka fa molaong kgotsa o letleletswe ke OUP;
  3. baya mo pontsheng kgotsa o anamisa karolo epe ya tshedimosetso mo maranyaneng ape go akaretsa mo enthaneteng ka bophara jwa yone;
  4. letlelela mongwe fela go akola kgotsa go dirisa tshedimosetso; le/kgotsa
  5. dirisa bontlhabongwe jwa tshedimosetso kgotsa tshedimosetso yotlhe mo go tsa kgwebo.


Ditshwanelo tsa motlhami

Rona le/kgotsa ba re ba fang diteseletso re beng ba ditshwanelo tsotlhe tsa motlhami mo legaeng le la enthanete.Legae le la enthanete le tsotlhe tse di mo go lone, le sireleditswe ke melawana e e sireletsang tsa botlhami lefatshe ka bophara. Se se akaretsa melawana ee sireletsang ditshwanelo tsa motlhami le melawana ee sireletsang dikano le maina a dikompone.Ka fa tlase ga dintlhatsa melawana kitsiso e ya semolao le ditumalano tse dingwe tsa go letlelela fa gare ga gago le OUP, ditshwanelo tseo di sireletsegile e bile ga gona sepe se se tshwanetseng go kopiwa , go fetolwa, go gatisiwa, go phatlaladiwa kgotsa go anamisiwa ka mokgwa ope fela. Oxford University Press, OUP, Oxford le/kgotsa leina lepe la dithoto le/kgotsa ditirelo tse di fiwang ke Oxford University press tse di umakiwang mo legaeng le la enthanete ke matshwao a kgwebo kgotsa matshwao a a kwadisitsweng a kgweboa Oxford University press.

Kwa ntlega go ganetsanya le se se setseng se kwadilwe fa godimo, le fa go tshwanetseng teng, ditshwanelo tsa motlhami mo ditshwantshong tse di molegaeng le la enthanete ke  tsa mong watsone yo leina la gagwe le kwadilweng mokarolong ya “Dintlha tsa setshwantsho”. Dithata tsa motlhami di sireleditswe. Ga gona setshwantsho sepe se se molegaeng le la enthanete se se ka kopiwang, sa fetolwa, sa gatisiwa, sa phatlaladiwa kgotsa sa anamisiwa ka mokgwa ope fela.


Dikgolagano

Dikgolagano tse di isang motho kwa magaeng a mangwe a enthanete di beilwe foo ke OUP ka mowa o montle gape e le go fa thuso mo badirising. OUP e tlhapa diatla mo maikarabelong ape a tshedimosetso e e mo magaeng a enthanete a a golaganeng le legae la yone la enthanete. 

Mo godimo ga moo, kgolagano e e isang modirisi kwa legaeng la enthanete le e seng la OUP ga e reye gore OUP e netefatsa kgotsa e amogela maikarabelo a tshedimosetso e e mo legaeng leo la enthanete kgotsa tiriso ya legae leo la enthanete kgotsa dithoto le/kgotsa ditirelo tse di fiwang le legae leo la enthanete. Go mo go wena gore o nne kelotlhoko, o tlhomamisa gore sepe fela se o itlhophelang go se dirisa ga se na megare e e kgotlhelang khompiutara le dilo tse dingwe tse di ka senyang.


Go bona diritelo

E re ntswa re leka go tlhomamisa gore legae la rona la enthanete le teng dioura tse di masome a mane mo letsatsing, ga re ka ke ra bonwa molato fa e ka re ka lebaka lengwe legae la rona la enthanete la tlhokafala ka nako kgotsa lobaka longwe. Legae la rona la enthanete le kgona go se ka la nna teng ka lobakanyana re sa go tlhagisa nako e sa le teng fa ditshipi tsa rona di ka retelelwa ke go dira, kgotsa go na le dipaakanyo, ditlhabololo kgotsa ka ntata ya mabaka a re neng re ka se ke ra a bonela pele.


Tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi

Dikarolo dingwe tsa legae la rona la enthanete di ka letlelela badirisi go tsenya tshedimosetso ya bone. Tshedimosetso e e tsentsweng ke badirisi ga go reye gore e supa maikutlo a OUP. Fa o tsenya tshedimosetso mo legaeng la rona la enthanete, o dumela go tlamiwa ke Melawana ya rona. O tshephisa fa tshedimosetso e, e sala morago Melawana eo le gore o na le ditshwanelo tsotlhe tsa botlhokwa mo tshedimosetsong eo le gore ga e gatake ditshwanelo tsa ga ope tsa botlhami, le gore tshedimosetso eo ga e borai mo go tsa setegeniki (go akaretsa megare ya khompiutara, maranyane a a senyang khompiutara, tshedimosetso e e leswafetseng kgotsa maranyane a a kotsi mo khompiutareng). OUP e na le dithata, fa e bona go tlhokafala, tsa go lebelela gape, go baakanya kgotsa go sutlha tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi fa OUP e bona tshedimosetso eo e sa sale Melawana morago kgotsa e senya mongwe leina, e roba molao, e tshosetsa, e tletse matlhapa kgotsa e sa amogelesege ka mokgwa mongwe. Le fa re tlhalositse tse di fa godimo tse, OUP e tsepamisa gore e itlhatswa diatla mo sengweng le sengwe se o se kwalang kgotsa o se belesa mo legaeng la bone la enthanete. Ga e tseye boikarabelo mo go se ope a ka se kwalang mo legaeng la bone la enthanete. Re na gape le tshwanelo le dithata tsa go go senola gore o mang mo go ba semolao kgotsa mo go mongwe yo o dumelang gore mekwalo mengwe kgotsa tshedimosetso nngwe e o e belesitseng mo legaeng la rona la enthanete e tlodile melawana ya ditshwanelo tsa motlhami kgotsa beng kgotsa e tuulola tshwanelo ya gagwe ya sephiri.


Dingongora tsa go tlola melawana ya teseletso semmuso

Re le ba OUP re tlotla melawana e e sireletsang tshedimosetso tsotlhe tsa botlhami ka fa molaong. Fa o dumela gore re ka tswa re sa sala melao eo morago fa re dirisa tshedimosetso ya gago mo webosaeteng ya rona, kana o batla re ntsha tshedimosetso ya gago mo webosaeteng ya rona tsweetswee re itsese ka go re kwalela molaetsa wa imeili kana o re romelele ngongora ya gago ka poso. Netefatsa gore ngongora ya gago e akaretsa tse di latelang:

(i) Monwanawa mong wa tshedimosetso e go ngongoregiwang ka yone kana monwana wa motho yo o emetseng mong wa tshedimosetso e go tlaabong go ngongoregiwa ka ka yone ka nako eo.

(ii) Sesupo sa tshedimosetso e go ngongoregiwang ka ga yone. Fa e le gore tshedimoso tse go ngongoregiwang ka tsone di mmalwa, di nankole o bo o kwale le di webosaete tse di dirisitsweng mo go tsone ka botlalo.

(iii) Sesupo sa tshedimoso e go ngongoregiwang ka yone (kana sengwe se se amanang le seo) gore re le ba OUP re kgone go batla tshedimoso eo motlhofo.

(iv) Aterese ya kwa o nnang teng, mogala le aterese ya gago ya imeili e re ka ikgolaganyang le wena ka yone.

(v) Lekwalo le le supang ngongora ya gago sentle o tlhalositse tshedimoso e e dirisitsweng go sa salwa morago melawana ya teseletso.

(vi) Fa o ngongorega mo boemong jwa mong wa tshedimoso o ntshe bosupi jwa gore o na le tetla ya go ngongorega mo boemong jwa mong wa tshedimoso eo e e dirisitsweng go sa salwa moorago melawana ya teseletso semmuso.

Romela ngongora ya gago kwa baemeding ba rona ba DMCA fa:

emeili: dmca@oup.com

Poso:

Oxford University Press
Great Clarendon Street
Oxford
OX2 6DP
United Kingdom


Tshwaneloya OUP ya go dirisa tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi

Sepefela se o se belesang mo legaeng le la rona la enthanete se tlaa tsewa gore ga se sephiri. Re lebeletse gore OUP e go letlelela gore o dirise legae le la enthanete go setswe morago Kitsiso e ya Semolao (bona ka fa tlasega “Tiriso ya tse di mo legaeng le la enthanete” fa godimo), o neela OUP tetla e e sa feleng, lefatshe ka bophara, e eka se busediweng morago, kwa ntle ga dituelo, e e kgonang go fetisediwa kwa go basele, e e sa itebaganyang le ronafela, go baakanya, go eleka, go gatisa, go supa, go buisana le setšhaba le go dirisa tshedimosetso (kgotsa karolo epe fela ya yone) mo dipuong tsotlhe e le mo sebopegong sepe fela go sa kgathalesege gore a popego eo e teng mo bogompienong (le go fetisetsa tetla kwa go ba bangwe). O ikapola tshwanelo epe ya gore ke wena motlhami wa tshedimoso epe e o e belesang mo legaeng la rona la enthanete (go akaretsa go lemogwa jaaka mokwadi). Re ka nna ra go supa jaaka mokwadi kgotsa motlhami mme o amogela gore ga re patikege go dira jalo.


Tlhomamiso

Re na le thata le tshwanelo ya go baya leitlho mekwalo yotlhe e e kwalwang mo legaeng le la enthanete go bona gore ga go na sepe se se robang kitsiso e ya semolao le/kgotsa Melawana; ka jalo, mekwalo mengwe e kanna ya romelwa gore e tlhomamisiwe pelega e gatisiwa, ka jalo, go kanna ga nna le tiego pelega se o se kwalang se bonala mo legaeng la rona la enthanete.


Tsheegelo fa thoko le Kemiso

Re tlaa atlhola, ka tebo ya rona, gore a ka tiriso ya gago ya legae la rona la enthanete go nnile le tlolo ya kitsiso e ya semolao kgotsa Ditsamaiso. Fa tlolo ya kitsiso e ya semolao kgotsa Melawana e diragetse, re kanna ra tsaya dikgato tse re bonang di le maleba kgatlhanong le modirisi ope fela yo o sa saleng morago kitsiso e ya semolao kgotsa Melawana. Dikgato tse di akaretsang, mme di sa felele fela mo, go kganeleng tiriso kwa ntlega tlhagiso pele, kgotsa puisano, le go ntsha mekwalo le seabe sa modirisi yo o robileng molao.

Go retelelwa ke go sala kitsiso e ya semolao le/kgotsa Melawana go ka tsala gore tshwanelo ya gago ya go dirisa legae le la enthanete e tsewe ka potlako ka nakwana kgotsa e le ga sennela ruri.


Puo

Kitsiso e ya semolao e kwadilwe pele ka Sekgoa. Fa kitsiso e ya semolao e fetolelwa mo puong e sele, bokao jwa kitsiso e jo bo kwadilweng ka Sekgoa ke jone jo bo tlaa salwang morago.


Molao o o laolang

O dumalana gore kitsiso e ya semolao e tlaa tsamaisiwa fela go lebilwe melao le makgotla a Ennyelane le Wales. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se mo kitsisong e ya semolao se se ka kganelang OUP go dirisa lekgotla lepe fela go tsisa tsheko fa ditshwanelo tsa ditlhamo tsa bone di gatakilwe ka dinao.


Dintlha ka dikano le maina a a sireleditsweng

Oxforddictionaries.com le dikarolwana tsa yone e ka nna ya akaretsa mafoko a a nang kgotsa a go tweng a sireleditswe ke kompone nngwe jaaka lotshwao lo lo sireleditsweng. Go akarediwa ga one ga go reye gore mo go tsa semolao mafoko a ga a sirelediwa ka fa molaong kgotsa jaanong a na le bokao jo bo bulegileng kgotsa go na le katlholo kgotsa tshwetso e e amang seemo sa one sa semolao. Mo seemong se badiri ba barulaganyi ba nang le bosupi gore lefoko le sireleditswe ka fa molaong, se se supiwa fa le tsentsweng teng mo thanoding, mme ga go na katlholo e e amang seemo sa mafoko ao ya semolao e e dirwang kgotsa e e akanyediwang.


Megopolo le tshedimoso e e fitlhelwang mo mekwalong ya Oxford le dikakgelo tsa teng ga se gore di supa maikutlo le megopolo ya Oxford University Press.

See more from Explore