Cretaive 20writing

Go kwala dipolelo


Fa o kwala o tshwanetse go simolola ka dipotso tse tlhano: Mang? Eng? Kae? Leng? Jang? O tshwanetse go ipotsa gore polelo kgotsa mokwalo wa gago o ya go balwa ke bomang. A ke bana kana bagolo? Ipee mo maemong a bone, o ba akanyetse gore ba batla go ithuta eng mo mokwalong wa gago. Polelo ya gago e tswanetse go nna le matseno, mmele wa polelo le tshoboko kwa bofelong.


Moanelwa/Baanelwa

Mmadi o ipaya mo maemong a mongwe wa baanelwa – e ka nna moanelwa-mogolo kana ope wa ba bangwe. O tla a latedisa dikgwetlho, dikgotlhang, maeto le ditoro tsa botshelo jwa moanelwa yo. O tshwanetse wa ala moalo o o nitlameng wa gore dilo di diragalela kae, leng, o bo o supe thulagano ya ditiragalo ka mokgwa o mmadi a tla di latedisang bonolo. Thulaganyo ya ditiragalo:

Babadi ba ka tswa ba farologana, mme botlhe ba tlhoka go tlhaloganya polelo ya gago go le bonolo. Tshimologo ya polelo ya gago kgotsa matseno a botlhokwa ka ke one a laolang gore a mmadi o tswelela a bala. Bogologolo barekisi ba bojalwa ja Setswana ba ne ba na le “Moutlo”, e leng selekanyetso se se nnyennyane go lekeletsa bojalwa. E ne e re fa o batla go reka, o simolola o fiwa moutlo pele, go utlwa tatso, ke gone o bo o ka tsaya tshwetso ya gore a o a reka kgotsa nnyaa. Matseno a tshwana fela le one moutlo oo. Fa go na le kgogedi kwa tshimologong ya polelo, mmadi o raelesega go tswelela a bala. Fa kgogedi eo e seyo, mmadi ga a kgatllhegele go tswelela. Mme kgogedi e, e ka dirwa ka ditsela tse dintsi jaaka go dirisa manatetshapuo.


Dikai:

A re re o batla go kwala ka modisa:

  1. Tsatseng o ne a tsoga fa letsatsi le tlhaba a ya madisong. O ne a le moleele. O ne a itsiwe motse otlhe; a ratiwa ke bangwe, fa ba bangwe ba ne ba mo tlhoile. O ne a tswa kwa Kgotleng ya Makoloring. E ne e le modisa, ebile a ikgantsha ka gone.

  2. E rile fa letsatsi le a go tlhaba, Tsatseng a bo a latlha dikobo ka bofetshwana. A kupuga a gata a gatoga mosimane wa Makolori, yo o mmalanyana wa thupa tsa maretlwa, wa go katoga monyo.  Fa ba mmoka ba ne ba mmitsa “Mosi wa Morukuru”. O ne o ka mo rata, kana wa mo tlhoa, fela o ne o se kake wa mo ikgatholose, ka e ne e le modisa wa popota yo o neng a ikgantsha ka gone. Diruiwa tsa gagwe di ne di mo itse ka molodi.


Mo sekaing sa ntlha, motho o ka bona gore ga go na kgogedi. Mmadi o ka kgathala ka Tsatseng jang? Matseno a teng a tsididi fela, ga a na kgogedi ya go batla go itse gore modisa yo ke wa mofuta ofe. Mme mo sekaing sa bobedi, kgogedi e teng, mmadi o ka kgatlhegela go batla go bala ka modisa yo o ka sekeng a ikgatholosiwe yo.

Mo mmeleng wa polelo, ke gone fa tota o rulaganyang ditaragalo tsa polelo ya gago go kgatlhisa babadi ba gago. Ke gone kwa moko wa polelo o leng teng. Ditiragalo tsotlhe di diragala fa, tse di re isang kwa setlhoeng sa polelo. Mo sekaing se se filweng fa godimo, fa o tsena mo mmeleng, ke gone o tla a tlhalosang tota ka botlalo ditiro tsa ga Tsatseng tse di neng di ka raela batho go mmitsa maina a bo “Mosi wa Morukuru”. Jaanong o tsaya mmadi, o mo tsenya mo polelong ya gago, o mo tsamaisa maeto a ditiragalo, gore a bone tota matshelo a baanelwa ka fa a rarabologang ka teng.

Mme kwa bofelong mokwadi o tshwanetse a konele kgang ya polelo sentle gore mmadi a kgone go tsaya maele kgotsa molaetsa wa polelo ka tlhamalalo. O dira se kwa tshobokong ya polelo.

Maikutlo le tshedimosetso e e mo mekwalong le dikakgelo tsa OxfordWords ga go reye gore ke maikutlo le megopolo ya Oxford University Press.

Neilwe Dithata ke Oxford