MELAWANA YA KHUPAMARAMA LE KITSISO YA SEMOLAO

Molawana wakhupamarama

Molawana o wa khupamarama o itebagantse le legae leno la enthanete la oxforddictionaries.com ("Website") le dikarolwana tsa lone mme o laola tiriso ya legae leno la enthanete le dikarolwana tsa lone.

Oxford University Press ("OUP", "re", "rona" or "ga rona") e ititeile sehuba go sireletsa sephiri sa gago mo enthaneteng. Molawana o wa khupamarama o tlhalosa gore se se tlaa dirwa jang. Re tlaa ntšhafatsa molawana o wa khupamarama re lebile dikgakgelo tse re di amogelang. Ka jalo tlhola kgatiso e ntšha ya molawana o. Fa o na le dipotso dingwe ka ga molawana o wa khupamarama, ka tsweetswee ikgolaganye le rona.

Ka go dirisa legae le la enthanete, o amogela ditsamaiso tse di tlhalositsweng mo mokwalong o.

Re amogelatshedimosetso ya mothaleofe, e bile re e dirisajang?

Fa o etela legae la enthanete la rona, OUP e ka nna ya tsaya tshedimosetso le dipalopalo tse di ka supang gore o mang. Tshedimosetso e e tserweng e, e ka nna ya akaretsa tse di rupang ka fa o dirisang legae la enthanete la rona. Tshedimosetso e e re thusa gore re dire ditlhotlhomiso ka dikgatlhego tsa badirisi ba rona, gore ba tswa kae le maitsholo a bone ke a a ntseng jang gore re ba tlhaloganye botoka mme re kgone go ba fa kitso e e maleba, dithoto le ditirelo.

Fa o ikwadisa jaaka modirisi wa legae la rona la enthanete kgotsa o kopa tshedimosetso e nngwe ka legae la rona la enthanete, re go kopa leina la gago, imeili ya gago, aterese ya gago ya poso le tse dingwe tse di maleba. Tshedimosetso e e ntseng jaana ka ga gago e bewa mo mabolokelong a a sireletsegileng a a tlhokometsweng ke kompone e e ikemetseng ka nosi. Tshedimosetso e gape e bolokiwa mo mabolokelong a badirisi ba rona kwa OUP le kwa/kgotsa kwa madirelong a ba re dirisanang nabo. Tshedimosetso e e tlaa ntšhafadiwa fa o re itsise ka diphetogo dipe fela mo go yone.

 Fa o le modirisi yo o kwadisitsweng, dintlha ka ga gago di tlaa dirisiwa go re kgontsha gore re rurifatse gore o modirisi yo o kwadisitsweng le go go tlisetsa kitso e e go lebaganeng mo legaeng la rona la enthanete.  

Fa o ikwadisetsa go amogela dikgang go tswa kwa go rona, re tlaa go kopa imeili ya gago le leina la gago. Tshedimosetso e, e tlaa tsenngwa mo mabolokelong a badirisi ba rona. 


 Fa o laisa kitso mo legaeng la rona la enthanete, re ka nna ra supa gore o mang (ke gore, leina la gago le lefatshe) mo legaeng la rona la enthanete.


Re ka nna ra dirisa tshedimosetso e e mo mabolokelong a badirisi ba rona go go romelela melaetsa ka enthanete kgotsa ka mokgwa mongwe fela ka ga rona, ba re dirisanang nabo, dithoto le ditirelo tsa rona, le dithoto le ditirelo tsa ba re dirisanang nabo tse re akanyang gore o ka di kgatlhegela.

Re go kopa tshedimosetso ya gago (jaaka leina la gago, aterese ya imeili le ka fa re ka itshwaraganyang nao ka teng) fa o itshwaraganya le rona ka mathata a a amang letlole le le kwadisitsweng, mathata a setegeniki, go akgela mo legaeng la rona la enthanete, kgotsa fa o batla go itse gore dithoto le ditirelo tsa rona tse di mo legaeng la rona la enthanete di dirisiwa jang. Dintlha ka ga gago tse o di tsentseng mo legaeng la rona la enthanete ka tsebe ya “ikgolaganye le rona” ga di ka ke tsa tsenngwa mo letloleng la rona la badirisi mme re di kopa fela gore re kgone go fetola kopo kgotsa potso ya gago. Dipalopalo tse di supang mefuta ya dipotso kgotsa dikopo tse di rometsweng kwa go rona go dirisiwa tsebe ya “ikgolaganye le rona” di ka nna tsa sobokiwa gore re kgone go baya legae la rona la enthanete leitlho sentle re bo re tokafatse selekanyo sa thuso.

Fa e kile ya re mo nakong e e fetileng wa kopa tshedimosetso kgotsa wa ikwadisa mo legaeng la rona la enthanete (mme moragong wa tswala letlole la gago) mme o sa eletse gore re boloke dintlha ka ga gago, ka tsweetswee ikgolaganye le rona mme re tlaa phimola dintlha ka gago mo mabolokelong a rona a badirisi. Re tlhokana le go boloka dintlha ka ga badirisi ba ba kwadisitsweng gore re kgone go go tsisetsa kitso e e go lebaganeng mo legaeng la rona la enthanete.

O ka nna wa re itsise gore fa o sa batle gore go ikgolaganngwa le wena kgotsa o sa batle gore go ikgolaganngwe le wen aka mothale mongwe. Fa o dirisa diimeili di feta bongwe go ikgolaganya le rona, ka tsweetswee re itsise ka letlole lengwe le lengwe la imeili le o le dirisang.


Re amogana tshedimosetso leng?

Ga re rekise batho ba bangwe kgotsa dikompone tse dingwe dintlha ka ga gago


Dintlha ka ga gago re di dirisa fela mo OUP. Gape re di arogana le ba re dirisanang nabo, ba re ba fang diteseletso le ba ba phatlalatsang ditsa-rona. Mo go re thusa gore re go tsisetse legae la rona la enthanete (sekai, ba ba go tsisetsang legae la rona la enthanete).


Go na le magae a mangwe a enthanete a a ikgolagantseng le la rona. Fa o etela lengwe la magae ao, a ka nna a boloka dintlha dingwe ka ga gago. Magae a enthanete a mothale o, ga a mo taolong ya rona mme e bile gape ga a akarediwe ke molawana o wa khupamarama. Magae a a enthanete a ka tswa a na le melawana ya one ya khupamarama mme ga re tseye maikarabelo kgotsa molato ope wa melawana ya bone. Ka tsweetswee lekola melawana ya bone pele ga o romela dintlha ka ga gago mo magaeng ao a enthanete.


Fa re dumela fa tiriso ya gago ya legae la rona la enthanete e se ka fa molaong kgotsa e sa siamela ba bangwe, re na le tshwanelo ya go itsise batho ba sele dintlha ka ga gago tse re di tsereng mo legaeng la rona la enthanete fa re dumela gore di tlaa kganela kgotsa di tlaa thusa kgotsa di tsaya kgato kgatlhanong le maitsholo a gago.

Re ka nna ra supegetsa kgotsa ra arogana dintlha ka ga gago go obamela tlhokego nngwe ya molao; go netefatsa tiragatso kgotsa go diragatsa ditumalano dingwe kgotsa diteseletso le wena; kgotsa go sireletsa ditshwanelo, dithoto kgotsa tshireletsego ya OUP, badiri ba rona, bangwe-ka-rona, ba re ba fileng diteseletso, baphasalatsi le/kgotsa badirisi ba rona. Se se akaretsa go arogana tshedimosetso le dikompone le makgotla go hema borukutlhi go fokotsa dikoloto.   

Fa karolo epe fela ya kgwebo ya rona (go akaretsa tsa ba re dirisanang nabo) e rekisiwa kgotsa e kopana le kgwebo e nngwe, dintlha ka ga gago di ka nna tsa bontshiwa bagakolodi ba rona le mongwe yo e ka nnang moreki le bagakolodi ba bone.


Tiriso ya maranyane a dicookie

OUP e dirisa dicookie le maranyane a mangwe mo legaeng la yone la enthanete. Melawana ya OUP e e laolang tiriso ya dicookie le maranyane a mothale o mo legaeng la enthanete la OUP e nankotswe mo Melawaneng ya Dicookie ya OUP. Melawana ya Dicookie ya OUP e kwadilwe ka Sekgoa. Ka tsweetswee ikgolaganye le rona fa o eletsa go e amogela ka puo e sele.

Ka go dirisa legae la rona la enthanete, o dumalana le go tlamiwa ke Melawana ya Dicookie.

Tshireletsego
Dintlha dingwe ka ga gago di bolokilwe kwa mabolokelong a dikitso a a tlhokometsweng ke kompone e e ikemetseng ka nosi. Mabolokelo a dikitso a a tlhokometsweng ke kompone e e ikemetseng ka nosi a sireletsegile mo a ka dirisiwang fela ke batho ba ba nang le tetla le tshwanelo ya go a dirisa; e le batho ba ba tlamiwang ke molao gore ba tshware tshedimosetso yotlhe ya rona e sireletsegile.

Mabolokelo a rona a dikitso a bulelwa fela ba ba tshwanetseng go a bona fela.


Tshedimosetso e re e tsayang mo go wena e ka nna ya fetisediwa kgotsa ya bolokelwa kwa lefelong le le kwa ntle ga mafatshe a Yuropa a a gwebisanang. E ka nna ya rulaganngwa ke badiri ba ba re berekelang ba ba direlang kwa ntle ga mafatshe a Yuropa a a gwebisanang, ba re dirisanang nabo, kgotsa e rulaganyediwe mongwe yo o re thusang ka ditlamelo. Le fa go ntse jalo, re tsere dikgato tse di tlhalositsweng fa godimo go leka go nonotsha tshireletsego ya tshedimosetso ya gago. Ka go dirisa legae la rona la enthanete, o dumalana le go fetisiwa mo ga tshedimosetso.


Go ntšhafatsa dintlha ka ga gago

Fa nngwe ya dintlha ka gago e o e fileng OUP e fetoga, sekai, fa o fetola aterese ya gago ya imeili, ka tsweetswee re itsise dintlha tse di nepagetseng ka go itshwaraganya le rona.  


Diphetogo tsa melawana ya rona ya khupamarama

Re na le tshwanelo ya go fetola melawana e ya khupamarama. Epe phetolo e re ka e dirang mo melawaneng e ya khupamarama e tlaa kwalwa mo tsebeng e, mme fa go tshwanetseng, o tlaa itsisiwe ka imeili.  

Puo
Molawana o wa khupamarama o kwadilwe pele ka Sekgoa. Fa molawana o wa khupamarana o fetolelwa mo puong e sele, bokao jwa molawana o o kwadilweng ka Sekgoa ke jone jo bo tlaa salwang morago. 
 

Molao o o laolang  

O dumalana gore molawana o wa khupamarama o tlaa tsamaisiwa fela go lebilwe melao le makgotla a Ennyelane le Wales.
 

Kitsiso ya Semolao

Kitsiso e ya semolao e itebagantse le legae le la enthanete la oxforddictionaries.com ("Website") le dikarolwana tsa lone. Kitsiso e e laola tiriso ya gago ya legae le la enthanete le dikarolwana tsa lone. Ka go dirisa legae le la enthanete, o dumalana le ditsamaiso tse nankotsweng mo mokwalong o.


O ka dirisa dikarolo dingwe tsa legae le la enthanete kwa ntle ga go ikwadisa kgotsa go fa Oxford University Press ("OUP", "re", "rona" or "ga rona") dintlha ka ga gago.

E re ka tshedimosetso e e mo legaeng le la enthanete e ka tswa e sa felela, e siilwe ke nako kgotsa e sa nepafala; e na le tsa setegeniki tse di sa nepagalang kgotsa e na le diphoso tsa mokwalo, OUP e na le thata le tshwanelo ya go ntšhafatsa legae la enthanete fa e bona go tlhokafala. Ka jalo, tshedimosetso ya mothale oo, e ka nna ntšhafadiwa kwa ntle ga go go itsise. 

Re na tshwanelo le thata ya go fetola kitsiso e ya semolao. Phetolo nngwe le nngwe e re ka e diragatsang mo kitsisong e ya semolao e tlaa kwalwa mo tsebeng e mme fa go tshwanetseng teng, re tlaa go itsise ka imeili. Dikarolwana dingwe tsa kitsiso e ya semolao di ka nna tsa nna kwa tlase ga tse dingwe tse di tlhalositsweng mo ditseng tse dingwe tsa legae le la enthanete.


Maina a tiriso le dilotlolo

Fa o ikwadisitse mo legaeng le la enthanete e bile o na le leina la tiriso le selotlolo sa letlole, o dumalana gore ga o ka ke wa neela ope leina la gago le/kgotsa selotlolo sa gago. Fa go ka tshokana selotlolo sa gago le/kgotsa leina la gago la tiriso di ka bonwa ke mongwe a ne a sa tshwanela o dumela go re itsise ka bofefo gore OUP e tseye kgato ka bofefo gore e go fe leina la tiriso le leša le selotlolo.

Tiriso ya tse di mo legaeng le la enthanete

O letlelelwa go:

  • Senka, lebelela, ntsha, o bo o baya mo pontsheng dikarolo tsa legae la rona la enthanete;
  • Boloka karolo nngwe ya legae la rona la enthanete o dirisa maranyane;
  • Le/kgotsa go ikgatisetsa kgatiso e le nngwe ya dikarolwana tsa legae la enthanete.

 

Mo makgetlhong mangwe le mangwe, go lebilwe melawana e e teng mo tsebeng nngwe le nngwe ya legae la enthanete, ga o a tshwanela go ntsha kgotsa go fetola melawana ya dithata tsa mong kgotsa motlhami kgotsa sekano sengwe fela le fa e le kitsiso ya matlhapa diatla e e leng teng mo legaeng la enthanete;

  

Le/kgotsa go gatisa kgotsa go kopa ka maranyane dikarolo tse di ntsi tsa dintlha tsa legae la enthanete tse di sa letlelelweng gore di dirisediwe sengwe fela, kwa ntle fela go letlelelwa ka fa molaong kgotsa go letleletswe ke OUP; baya mo pontsheng kgotsa o anamisa karolo epe ya tshedimosetso mo maranyaneng ape go akaretsa mo enthaneteng ka bophara jwa yone; letlelela mongwe fela go akola kgotsa go dirisa tshedimosetso; le/kgotsa; dirisa bontlha bongwe jwa tshedimosetso kgotsa tshedimosetso yotlhe mo go tsa kgwebo.


Fa o ikwadisetsa go amogela lekwala dikgang la rona kgotsa o ikwadisetsa go amogela molaetsa wa rona ka enthanete, o ka dirisetsa melaetsa e o e romeletsweng tse e seng tsa kgwebo fela. Ga o letlelelwe go:

ntsha kgotsa go fetola melawana ya dithata tsa mong kgotsa motlhami kgotsa sekano sengwe fela le fa e le kitsiso ya matlhapa diatla e e leng teng mo go tse o tlaa bong o di romelelwa;
go gatisa ka thulaganyo kgotsa go kopa ka maranyane dikarolo tse di ntsi tsa tse o di romeletsweng, kwa ntle fela o letleletswe ka fa molaong kgotsa o letleletswe ke OUP.
Baya mo pontsheng kgotsa o anamisa karolo epe ya tshedimosetso mo maranyaneng ape go akaretsa mo enthaneteng ka bophara jwa yone.
Letlelela mongwe fela go akola kgotsa go dirisa tshedimosetso; le/kgotsa
Dirisa bontlha bongwe jwa tshedimosetso kgotsa tshedimosetso yotlhe mo go tsa kgwebo


 

Ditshwanelo tsamotlhami

Rona le/kgotsaba re ba fang diteseletso re beng ba ditshwanelotsotlhetsamotlhami mo legaeng le la enthanete. Legae le la enthanete le tsotlhetse di mo go lone le sireleditswekemelaoe esireletsangditshwanelotsabatlhami le benge etenglefatshe ka bophara. Se seakaretsamelawanae esireletsangditshwanelotsamotlhami le melawanae esireletsangdikano le maina a dikompone. Ka fa tlase ga dintlhatsamelawanakitsiso e ya semolao le ditumalanotsedingwetsa go letlelela fa gare ga gago le OUP, ditshwanelotseo di sireletsegile e bile ga gonasepesesetshwanetseng go kopiwa , go fetolwa, go gatisiwa, go phatlaladiwakgotsa go anamisiwa ka mokgwa ope fela. Oxford University Press, OUP, Oxford le/kgotsakgotsaleinalepe;adithotole  kgotsaditirelotse di fiwangke Oxford University press tse di umakiwang mo legaeng le la enthanetekematshwao a kgwebokgotsamatshwaoa akwadisitsweng a kgweboa Oxford University press.

Kwa ntle ga go ganetsanya le sesesetsengsekwadilwe fa godimo, le fa go tshwanetsengteng, ditshwanelotsamotlhami mo ditshwantshongtse di mo legaeng le la enthaneteketsa mong watsone yo leina la gagwe le kwadilweng mo karolong ya “Dintlha tsasetshwantsho”. Dithatatsamotlhami di sireleditswe. Ga gonasetshwantshosepesese mo legaeng le la enthanetesese ka kopiwang, safetolwa, sagatisiwa, saphatlaladiwakgotsasaanamisiwa ka mokgwa ope fela.


Dikgolagano
 

Dikgolagano tse di isang motho kwa magaeng a mangwe a enthanete di beilwe foo ke OUP ka mowa o montle gape e le go fa thuso mo badirising. OUP e tlhapa diatla mo maikarabelong ape a tshedimosetso e e mo magaeng a enthanete a a golaganeng le legae la yone la enthanete. 

Mo godimo ga moo, kgolagano e e isang modirisi kwa legaeng la enthanete le e seng la OUP ga e reye gore OUP e netefatsa kgotsa e amogela maikarabelo a tshedimosetso e e mo legaeng leo la enthanete kgotsa tiriso ya legae leo la enthanete kgotsa dithoto le/kgotsa ditirelo tse di fiwang le legae leo la enthanete. Go mo go wena gore o nne kelotlhoko, o tlhomamisa gore sepe fela se o itlhophelang go se dirisa ga se na megare e e kgotlhelang khompiutara le dilo tse dingwe tse di ka senyang.  


Go bona ditirelo

 E re ntswa re leka go tlhomamisa gore legae la rona la enthanete le teng dioura tse di masome a mane mo letsatsing, ga re ka ke ra bonwa molato fa e ka re ka lebaka lengwe legae la rona la enthanete la tlhokafala ka nako kgotsa lobaka longwe. Legae la rona la enthanete le kgona go se ka la nna teng ka lobakanyana re sa go tlhagisa nako e sa le teng fa ditshipi tsa rona di ka retelelwa ke go dira, kgotsa go na le dipaakanyo, ditlhabololo kgotsa ka ntata ya mabaka a re neng re ka se ke ra a bonela pele.  


Tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi

Dikarolo dingwe tsa legae la rona la enthanete di ka letlelela badirisi go tsenya tshedimosetso ya bone. Tshedimosetso e e tsentsweng ke badirisi ga go reye gore e supa maikutlo a OUP. Fa o tsenya tshedimosetso mo legaeng la rona la enthanete, o dumela go tlamiwa ke Melawana ya rona. O tshephisa fa tshedimosetso e, e sala morago Melawana eo le gore o na le ditshwanelo tsotlhe tsa botlhokwa mo tshedimosetsong eo le gore ga e gatake ditshwanelo tsa ga ope tsa botlhami, le gore tshedimosetso eo ga e borai mo go tsa setegeniki (go akaretsa megare ya khompiutara, maranyane a a senyang khompiutara, tshedimosetso e e leswafetseng kgotsa maranyane a a kotsi mo khompiutareng). OUP e na le dithata, fa e bona go tlhokafala, tsa go lebelela gape, go baakanya kgotsa go sutlha tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi fa OUP e bona tshedimosetso eo e sa sale Melawana morago kgotsa e senya mongwe leina, e roba molao, e tshosetsa, e tletse matlhapa kgotsa e sa amogelesege ka mokgwa mongwe. Le fa re tlhalositse tse di fa godimo tse, OUP e tsepamisa gore e itlhatswa diatla mo sengweng le sengwe se o se kwalang kgotsa o se belesa mo legaeng la bone la enthanete. Ga e tseye boikarabelo mo go se ope a ka se kwalang mo legaeng la bone la enthanete. Re na gape le tshwanelo le dithata tsa go go senola gore o mang mo go baa semolao kgotsa mo go mongwe yo o dumelang gore mekwalo mengwe kgotsa tshedimosetso nngwe e o e belesitseng mo legaeng la rona la enthanete e tlodile melawana ya ditshwanelo tsa motlhami kgotsa beng kgotsa e tuulola tshwanelo ya gagwe ya sephiri.          


Tshwanelo ya OUP ya go dirisa tshedimosetso e e kwadilweng ke modirisi 
Sepe fela se o se belesang mo legaeng le la rona la enthanete se tlaa tsewa gore ga se sephiri. Re lebeletse gore OUP e go letlelela gore o dirise legae le la enthanete go setswe morago Kitsiso e ya Semolao (bona ka fa tlase ga “Tiriso ya tse di mo legaeng le la enthanete” fa godimo), o neela OUP tetla e e sa feleng, lefatshe ka bophara, e e ka se busediwe morago, kwa ntle ga dituelo, e ekgonang go fetisediwa kwa go ba sele, e e sa itebaganyang le rona fela, go baakanya, go eleka, go gatisa, go supa, go buisana le setšhaba le go dirisa tshedimosetso (kgotsa karolo epe fela ya yone) mo dipuong tsotlhe e le mo sebopegong sepe fela go sa kgathalesege gore a popego eo e teng mo bogompienong (le go fetisetsa tetla kwa go ba bangwe). O ikapola tshwanelo epe ya gore ke wena motlhami wa tshedimoso epe e o e belesang mo legaeng la rona la enthanete (go akaretsa go lemogwa jaaka mokwadi). Re ka nna ra go supa jaaka mokwadi kgotsa motlhami mme o amogela gore ga re patikege go dira jalo.  

Tlhomamiso

Re na le thata le tshwanelo ya go baya leitlho mekwalo yotlhe e e kwalwang mo legaeng le la enthanete go bona gore ga go na sepe se se robang kitsiso e ya semolao le/kgotsa Melawana; ka jalo, mekwalo mengwe e ka nna ya romelwa gore e tlhomamisiwe pele ga e gatisiwa, ka jalo, go ka nna ga nna le tiego pele ga se o se kwalang se bonala mo legaeng la rona la enthanete.

Tsheegelo fa thoko le Kemiso

Re tlaa atlhola, ka tebo ya rona, gore a ka tiriso ya gago ya legae la rona la enthanete go nnile le tlolo ya kitsiso e ya semolao kgotsa Ditsamaiso. Fa tlolo ya kitsiso e ya semolao kgotsa Melawana e diragetse, re ka nna ra tsaya dikgato tse re bonang di le maleba kgatlhanong le modirisi ope fela yo o sa saleng morago kitsiso e ya semolao kgotsa Melawana. Dikgato tse di akaretsang, mme di sa felele fela mo, go kganeleng tiriso kwa ntle ga tlhagiso pele, kgotsa puisano, le go ntsha mekwalo le seabe sa modirisi yo o robileng molao.

Go retelelwa ke go sala kitsiso e ya semolao le/kgotsa Melawana go ka tsala gore tshwanelo ya gago ya go dirisa legae le la enthanete e tsewe ka potlako ka nakwana kgotsa e le ga sennela ruri.
 

Go anama ga magae a enthanete

O lemoga go anama ka bophara jwa lefatshe ga legae la enthanete. Ka jalo o dumela go sala morago melawana yotlhe ya selegae e e mo kgaolong ya gago fa o dirisa legae la rona la enthanete.  

Tshedimosetso e re e gatisang mo legaeng la enthanete e ka nna ya supa kgotsa ya golagana le nngwe ya ditirelo tsa rona le/kgotsa dithoto tsa rona tse di teng tse di iseng di begiwe kgotsa di ise di nne teng mo lefatsheng la ga eno. Dipego tsa go nna jalo ga di reye gore re ikaelela go itsise ditirelo le/kgotsa dithoto tsa go nna jalo mo lefatsheng la ga eno. 


Puo

Kitsiso e ya semolao e kwadilwe pele ka Sekgoa. Fa kitsiso e ya semolao e fetolelwa mo puong e sele, bokao jwa kitsiso e jo bo kwadilweng ka Sekgoa ke jone jo bo tlaa salwang morago.

 

Molao o o laolang

O dumalana gore kitsiso e ya semolao e tlaa tsamaisiwa fela go lebilwe melao le makgotla a Ennyelane le Wales. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se mo kitsisong e ya semolao se se ka kganelang OUP go dirisa lekgotla lepe fela go tsisa tsheko fa ditshwanelo tsa ditlhamo tsa bone di gatakilwe ka dinao.


Dintlha ka dikano le maina a a sireleditswengOxforddictionaries.com le dikarolwana tsa yone e ka nna ya akaretsa mafoko a a nang kgotsa a go tweng a sireleditswe ke kompone nngwe jaaka lotshwao lo lo sireleditsweng. Go akarediwa ga one ga go reye gore mo go tsa semolao mafoko a ga a sirelediwa ka fa molaong kgotsa jaanong a na le bokao jo bo bulegileng kgotsa go na le katlholo kgotsa tshwetso e e amang seemo sa one sa semolao. Mo seemong se badiri ba barulaganyi ba nang le bosupi gore lefoko le sireleditswe ka fa molaong, se se supiwa fa le tsentsweng teng mo thanoding, mme ga go na katlholo e e amang seemo sa mafoko ao ya semolao e e dirwang kgotsa e e akanyediwang.   Megopolo le tshedimosoeefitlhelwang mo mekwalong ya OxfordWords le dikakgelotsateng ga se gore di supamaikutlo le megopolo ya Oxford University Press








See more from Explore